Tlhagiso

Music: Tefo Bright TLHAGISO
VERSE 1
Are buisaneng ka seemo sa lefatshe la rona Re tshwenyegile ba rotlhe ka itsholelo ya rona Matshwenyego a kana mme a ka fetswa ke rona Kana jang akere gatwe ke lefatshe la rona
Re senyeditswe ke batho ba thopilwe ke rona Got me thinking gore maybe mathata ke rona O kareng ha o ka botswa ka Botswana wa rona O mototo kana jang o le Motswana ka rona
Itsholelo e phuthama ka teemane ya rona Re photharetse matsogo le bokgoni jwa rona Go ka reng re le Batswana re gweba ka borona Ra inyatsa ke jone jo bothata jwa rona
VERSE 2
Ha Motswana a thinya thinya o digwa ke rona Rona gape ke jone jo bothata jwa rona Ga re rate go gaisiwa ke bankane ba rona Re lefufa ke jone jo bothata jwa rona Ha e sale re nna botho gotwe ke segarona Re iketile ke jone jo bothata jwa rona Sale re nyaditswe ka go nna bonolo ga rona Ra tshaba.......bothata jwa rona
Re ka thoka jang go jelwa ke mafatshe ka rona Baagisanye ba ikagetse dikhumo ka rona Ha e sale ba re latlhisa setswana sa rona Ka di pina le difilmi re gana tsa rona
It doesn't sell mo Botswana ha ele e dirilwe ke rona Are we ashamed go ikgantsha ka sone segarona Now Last year tota gone ne ele ngwaga wa rona Go Letsile, Zeboras le Lesego la rona
VERSE 3
Re ka gola jang re kgala dikgantshwane tsa rona Mo Botswana ha gona celeb ke puo ya rona Re phadisana le tsone di naledi tsa rona Re humisitse batswakwa ka mokgwa o wa rona
Re ka kgona jang go itshetsa ka talente tsa rona Go simolla ka go chencha mogopolo wa rona Go ka reng ha re ka tswala di boadera tsa rona Ra rotloetsa segarona , Ra tsholetsa ba rona Itsholelo re e kabakanya ka ditso tsa rona Re latlhegile ha re lebetse ngwao ya rona Le kgokgontsho e ya bong e simolla ka rona Everything, everything se simolla ka rona!!
Re thoka jang go tlala chakgalo hubeng tsa rona Re huraletse Modimo dipelong tsa rona Re ka kgona ha re itimoga gore re ba leofi Ra ikokobetsa ra bata Modimo ka bo rona
Re huparetse botshelo jo rare ke jwa rona Ko botswang ga re itse mme rare ke jwa rona Re lelekile ditoro tsena tsa selefatshe Tsa semoya re lebetse mme ke mewa ya rona
Re ka iponela botshelo Moreneng wa rona JESO KRESTE MODIMO WABO NTATA BA RONA Cos everything, everything se simolla ka rona O ka reng ha o ka botswa ka Botswana wa rona