Lyrics: Goitseone Ephraim Mokgwetsi
Music: Goitseone Ephraim Mokgwetsi
Intro
Yeeeh…
Morena waka…
Ke lla ko go wena…
Aheeey…
Verse
Morena waka ke kopa matla
ditsela tsotlhe di ntswela thata
ke tsamaya mo lefifing bosigo
ke rapela gore o ntshware seatla
Dikeledi di wela fatshe
ke ipotsa gore ke dirang gape
batho ba bua ka nna letsatsi
ba sa itse pelo e botlhoko jang
Chorus...
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Morena waka ke kopa matla (yah yah yah .......yah yah yah)
ditsela tsotlhe di ntswela thata (yah yah yah .......yah yah yah)
ke tsamaya mo lefifing bosigo (yah yah yah .......yah yah yah)
ke rapela gore o ntshware seatla (yah yah yah)
Bridge...
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
ba re ga nke ke fitlha koo
fela wena o itse tsotlhe
Morena o se ntlogele
Morena waka ntirele tsela
ke lapile go rwala tsotlhe
fa lefatshe le nkganela
wena o mphe maatla
chorus...
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
Ba ntshega letsatsi le letsatsi
(yah yah yah)*8
Ke tshepile wena fela…